BORESETSE: Go sa fiwe madi a dithuso a puso ka ntlha ya go begwa a - TopicsExpress



          

BORESETSE: Go sa fiwe madi a dithuso a puso ka ntlha ya go begwa a se teng - go pateleditse mokgatlho wa baagi ba Somalia mono Afrika Borwa le baagi ba dinaga tse dingwe tsa Afrika go ya kwa kgotla-tshekelo go kopa thuso mo mererong ono. Morago ga go reetsa dingangisano tsa maphata ka bobedi, moatlhodi wa kwa kgotla-tshekelong ya North Gauteng, Natvarlal Ranchod o ne swetsa go sekega go rebola katlholo mo kopong ya ka bonako eo e tsentsweng ke baagi ba boditshaba bao ba eteletsweng pele ke mokgatlho wa baagi ba Somalia bao ba nnang mono Afrika Borwa. Maikutlo a gago ke eng tebang le gore batswaka ba ba leng mono Afrika Borwa ba fiwe madi a thuso a puso (social grants). Romela tshwaelo ya gago mo tsebeng ya rona ya Boresetse kgotsa Moepeng Mosimanewamotlhaping Korogo. Kgotsa letsa mo 086 1000 666. Re lebogela seabe sa gago mo thulaganyo ya rona ya Boresetse.
Posted on: Thu, 25 Jul 2013 04:30:14 +0000

© 2015