E le gore wena ke gone o gotsang molelo o ne o santse o dira eng - TopicsExpress



          

E le gore wena ke gone o gotsang molelo o ne o santse o dira eng ne sethotsana ke wena sa go phanyega sa tlala ka lebitla. Ga bua jaana Poloko ka bogale. Ene kana o ne a tsoga jaana a re o tla fitlhela Goitsemodimo a beile mogodungwana mo magaleng gore matlhare a loelele, jaanong o makatswa ke go bona molelo e le gone o reng nyedinyedi. Ke ne ke santse ke robetse malome gape go serame tsatsileno. A bua jaana a ntse a roroma ke metsi ale a neng a sa tswa go a tshelwa ke dipogiso. O ne kana a itse gore malomaagwe ga a farologane gope le setsenwa ka a kgona go dira sengwe le sengwe. Fotseke, jele moruskonto, o nagana gore ke nale nako le wena nna ne mokashi ke wena? Ke Jeso Keresete nna nka emisang serame? A botsa jaana a mo garumela jaaka phiri e a tle e dire tau fa e bolaile sengwe. Goitsemodimo a utlwa mala a gagwe a sega kwa tlase, pelo ya gagwe le yone e pompa madi ka tsela e makatsang. Ya re a santse a omosa diatla a utlwa motho a mo palama ka mogwana. Ijoo..ke bolaelwang ke motho ne bathong? A bua jaana a garoga ngwana wa batho, o ne tota a utlwa botlhoko. Se se neng se mongomola pelo ke gore kana mme o ba diretse tse ba di batlang jaanong o beletswang makuku a kana? A hutsa letsatsi le a tshotsweng ka lone, a eletsa tota mmagwe nkabo a molatlhetse kwa go latlhelwang matlakala morago fela fa a sena go motshola. Gongwe kana nkabo a itshwetse nako eo a ise a bone dipogiso tse di kana. Ya re Dipogiso a tswela kwa ntle a gakatsa wa monna jaanong. Betsa mokashi yo e bi le o phaketse a nthoga a re ene kana ga se ene a rileng ke nne le bana fa ke mo raya ke re a direle bana motogo. Motho a bo a gakaditse Poloko jaanong. Goitsemodimo a utlwa a rapela thapelo e khutshwane gore Morena o mo tsee a ise a welwe ke dihawa. Ehe e bi le o mosadi o kgona go phikisana le mosadi wame wena? Motho a kgobola ngwana gore a sale a ela madi gongwe le gongwe. Ba gagwe bana ka sena sebaka ba ne kgonkga boroko, ba sena ape mathata.
Posted on: Sat, 18 Oct 2014 13:16:56 +0000

Trending Topics



Recently Viewed Topics




© 2015