Go tshelegela jaaka morwalela ga baruti ba mafatshe a sele go - TopicsExpress



          

Go tshelegela jaaka morwalela ga baruti ba mafatshe a sele go fetogile selo modiro mono Botswana. Seemo se ebile se tshwentse le yone tota puso ya lefatshe le. Ga gona letsatsi le le fetang go sena moruti ope yo o tswang ko ntle a jetse nala mono ebile a solofetsa metlholo. Motho e le ngwana wa Motswana o ka ipotsa dipotso tse tharo go ya go tse nne ka baruti ba, potso ya ntlha e le gore a ko mafatsheng a bone matimone ba setse ba a minolositse otlhe mo go setseng go sena le fa e le thothi? Potso ya bobedi e le gore a kgotsa dibethenyana di botoka ka kwano go gaisa ko ga bone, potso ya boraro e le gore a baruti ba mono ba adimile tshwene marapo kgotsa ga ba na botsipa jwa go nkgisana magwafa le matimone. E nngwe potso e le gore a matimone a mono a paletse sota mo go setseng go tlhoka bathusi go tswa ko ntle MORNING DITSALA!!!!!!!!!!!!!!!!!!!!!!!!!!! Ke Mogaka HleeE
Posted on: Sat, 09 Nov 2013 04:38:05 +0000

Trending Topics



Recently Viewed Topics




© 2015