POTSO YA LETSATSI :BORESETSE: 04-Nov-2013 - TopicsExpress



          

POTSO YA LETSATSI :BORESETSE: 04-Nov-2013 (Monday) ********************************************* Re tsamaela ngwaga wa bosome-a-mabedi jaanong - e sale go fedisitswe puso ya tlhaolele ya mmuso wa basweu eo e neng e le setlhogo. Batho ba le bantsi ba latlhegetswe ke bamasika le ditsala ka ntlha ya bosetlhogo jwa puso eo fa bangwe ba santse ba nale matsadi a botlhoko le a maswe ka ntlha ya tsamaiso ya puso ya tlhaolele. Puso e ntshwa ya democrasie e tlile ka maano le manaane a go leka go rotloetsa poelano le boitshwarelo fa gare ga bantsho le basweu. Potso ya rona mo mosong ono ke gore - go sa kgathalesege seo se ka tswang se diragetse dingwaga tseo tse some-a-mabedi tse di fetileng - a o itshwaretse tsamaiso puso ya tlhaolele kana o santse o tshwere sekgopi kgatlhanong le puso ya tlhaolele? Araba ka Ee kgotsa Nyaa mme o re neele mabaka a karabo ya gago. Romela ditshwaelo tsa karabo ya gago mo [email protected] kgotsa facebook: dikgangmotsweding. O ka dirisa le nomore ya rona ya sms: 33765. O simolola molaetsa wa gago ka go kwala lefoko dikgang o be o dira space - o be o kwala tshwaelo ya gago o be o romela mo nomoreng eo ya sms : 33765.
Posted on: Mon, 04 Nov 2013 05:31:03 +0000

Trending Topics




© 2015