BORESETSE: Mokhuduthamaga wa lefapha la boitekanelo mono - TopicsExpress



          

BORESETSE: Mokhuduthamaga wa lefapha la boitekanelo mono Profenseng ya NorthWest, Dr Magome Masika a re mafelo a thusang baimana mono profenseng a lesome le botlhano ka palo. Go tswa mo go one a le lesome le botlhano, ke fela a le some-nne ao a dirang ka botlalo mme le lengwe le tla tlamelwa ka didiriswa tsotlhe tse di tlhokegang mo ngwageng ono wa ditshelete gore le lone le kgone go dira ka botlalo. Mokhuduthamaga Masike o buile seno mo puisanong mo thulaganyong ya Boresetse fa a ne a tsibogela pego ya go sale gale ya gore mafelo ano ga a teng.
Posted on: Wed, 28 Aug 2013 05:45:55 +0000

Trending Topics



Recently Viewed Topics




© 2015