MO GO LAMOTLA-PITSONG MO BORESETSE MO MOSONG - TopicsExpress



          

MO GO LAMOTLA-PITSONG MO BORESETSE MO MOSONG ONO: ************************************************************************************** BORESETSE: Moatlhodi wa kgotlatshekelo ya molaotheo-Edwin Cameron - a re puso le lefapha la thuto ga ba dire go bonala go thusa barutwana mo nageng le go tokafatsa seemo sa thuto mo nageng. Cameron a re kgwetlho e nngwe e e amang thuto mo nageng ke go tlhokega ga barutabana ba ba nang le bokgoni jwa tiro. Cameron o buile seno kwa kopanong e e neng e sekaseka thuto e kgolwane le molaotheo. Barutegi go tswa Norway le mono gae ba ne ba tsene kopano eno. A re utlwe maikutlo le tshwaelo ya gago tebang le puo eno ya ga Moatlhodi Edwin Cameron tebang le seemo sa thuto mo nageng. Romela tshwaelo ya gago mo sekhwatlwaneng sa rona sa Lamotla-pitsong mo tsebeng ya rona ya facebook ya Boresetse le mo DikgangMotsweding kgotsa Moepeng Mosimanewamotlhaping Korogo, twitter: @moepengkorogo, email: address:[email protected] kgotsa o ka letsa mo 089-860 2233 Ammaruri re lebogela seabe sa gago mo thulaganyong ya rona ya Boresetse - Legae la gago la tshedimosetso e tshepagalang mme e bile e ikanyega.
Posted on: Tue, 18 Nov 2014 03:38:28 +0000

Trending Topics



Recently Viewed Topics




© 2015