MO THULAGANYONG YA BORESETSE YA MOSO ONO WA LABONE WA PHUKWI A LE - TopicsExpress



          

MO THULAGANYONG YA BORESETSE YA MOSO ONO WA LABONE WA PHUKWI A LE MALATSI A LE SOME-A-MABEDI LE BOTLHANO - O KA SOLOFELA GO UTLWA........... 1. Federesheng ya mekgatlho ya badiri, COSATU mono profenseng ya North West - e tsibogela tshwetso ya lefapha la thuto ya go ikaelela go tswala dikolo tsa dipolasi tsotlhe kwa mmasepaleng wa sedika sa DR Kenneth Kaunda..... 2. Borradipolotiki le baitseanape ba tlhagisa maikutlo le go romela melaetsa ya matshediso go latela go tlhokafala ga moatlhodi-mogolo wa pele Pius Langa....... 3. Lelapa la kwa Doornbult gaufi le Lichtenburg mono profenseng ya North West le dula fa thoko ga tsela morago ga go gana go fudusediwa kwa lefelong le lengwe go ya ka taelo ya kgotla-tshekelo........ 4. Mokgatlho wa baagi ba Somalia mono Afrika Borwa le baagi ba dinaga tse dingwe tsa Afrika ba isa puso kwa kgotla-tshekelo go ka ntlha ya go sa fiwe madi a dithuso a puso (social grants)........ 5. Motlhagisi Dukhule Ngcongolo o go matlafatsa ka thuto le tsa ikonomi............ "Ammaruri re lebogela theetso ya gago ya moso le moso ya thulaganyo ya rona BORESETSE - "Legae la gago la tshedimosetso e e tshepagalang mme e bile e ikanyega."
Posted on: Thu, 25 Jul 2013 03:58:27 +0000

Trending Topics



Recently Viewed Topics




© 2015