POTSO YA LETSATSI : BORESETSE : 09-July-2013 - TopicsExpress



          

POTSO YA LETSATSI : BORESETSE : 09-July-2013 (Tuesday) ********************************************** Mo dibekeng di le pedi tse di fetileng - go ntse go runtse maragang teng a bana ba mpa a ba-lelapa la mopresidente wa maloba, Nelson Mandela. Kgankgolo e ne e le ka ga go fudusiwa ga masalela a bana ba le bararo ba ga Mandela ke setlogolo sa gagwe, Mandla Mandela. Kgang eno - e ne ya tshwanela ke g...o ya go swediwa kwa kgotlhatshekelo-kgolo ya Mthata kwa profenseng ya Eastern Cape. Potso ya rona mo mosong ono ke gore - a o akanya fa ditiragalo tseno tsa maraga-teng a bana ba mpa ba lelapa la ga mopresidente wa maloba, Nelson Mandela - di amile kana di ka ama tlotlo, serodumo le seriti sa mogaka ono yo o itsegeng lefatshe ka bophara? Araba ka Ee kgotsa Nyaa mme o re neele mabaka a karabo ya gago. Romela ditshwaelo tsa karabo ya gago mo [email protected], sms:33435 or facebook: dikgangmotsweding.
Posted on: Tue, 09 Jul 2013 05:09:03 +0000

Trending Topics



Recently Viewed Topics




© 2015