Se ke seromamafoko sa facebuk, dikgang di balwa ke Rasky Lefa - TopicsExpress



          

Se ke seromamafoko sa facebuk, dikgang di balwa ke Rasky Lefa Joseph pele ke dihlogo. Go bolelwa ha Rre Bokomo Flour a.k.a 12.5 kg, a kgala a sa kgwe mathe maitsholo a makgaphila a basimanyana ba babedi ebong Yeast le Baking Powder ka ha ba helang ka bonako ka ten ene mme a santse a sehlaganye kgetsi. Ere dikgang di eme jalo Rre “Half loaf” o pegile ikuelo ko lekgotleng le legolwane la boikuelo la di Baker’a kgang kgolo e le ka ha a dirilweng mompe ka teng ntswa mogolowe” Rre Loaf” ana le ditebego tse di kgahlisang. Mo go tsa mafatshe a sele, go hlotse go dubegile kwa ga Mmamosadinyana morago ga gre “Rock Bun” e ripote Rre Pie morago ga go lemoga ha Pie a hupile nama ya koko ka bokukuntshwane. Rre Pie e rile a lahlela la gagwe are ga a nosi mo bogodung joo, o na le bakaulengwe ebong Hot Dog le Burgar’a mo moonong. Tsa metshameko, Setlhopha sa Maghwinya Santos se hlotse se padimotse sa Diphaphatha FC ka go rekiwa a le 55 go 16, ha dihlopha tsa Mapakiwa le Madombi di tshamekile maleka a 10-10. Tsa tepo loapi, ba tepo loapi mo tswapong bare go tlaa hlola gole digabogabo tsa dikotele mo letsatsing go dubiwa ka mashetla a tseneletseng. Go tlaa phirima go le dibatabata tsa dithibo mo molelong mo mafelong a farologanyeng.Seo ke bokhutlo ja dikgang, Reetsa dikgang tse dingwe mo nakong e tlang, Tseo tlabong o di tsisetswa ke “Le ya kae koo"
Posted on: Wed, 18 Sep 2013 13:41:31 +0000

Trending Topics



Recently Viewed Topics




© 2015