Tully Kaizer Wrote: POTSO:KWALA POLELO YA TSEBE LE SEPHATLO KA - TopicsExpress



          

Tully Kaizer Wrote: POTSO:KWALA POLELO YA TSEBE LE SEPHATLO KA BANANA. KARABO YA MOITHUTI: from KSS- 2006 (5M) Go nale dilo tse di farologanyeng mo botshelong jaaka tsebe, sephatlo le banana. Tsebe ke karolo ya mmele e e utlwang. Ditsebe di pedi mo mothong a le mongwe Ditsebe di nale go utlwa dikgang tse di sa di lalediwang. Batho ba tle ba re ke mabelete kgotsa ba maaka. Ditsebe di nale go imediwa ka manyena a matona a makgarebe ba a bitsang nnyaa papa. Sephatlo tota nna ga ke itse gore go tewa eng mme ke belaela go tewa dipampiri tse pedi tse di kgaogantsweng ka bogare kgotsa maphatlo a mabedi. Mme le gale jaaka ke setse ke nankotse fa godimo, sephatlo tota ga ke itse ga ke batle go tsena toronko. Banana yone ke leungo le le lephutsi ka mmala. Ga le na dithapo mo gare ka jalo e siametse go jewa ke bana. Bangwe ba e bitsa panana. Ka boripa, sephatlo tota ga ke batle go ikgolega. Ke belaela fa morutabana a sa botsa potso sentle “makgakga le lenyatso”. Ke ka gakolola makgarebe gore ba emise go rwala manyena a matona ka a ka tloga a kgaola ditsebe. Banana yone a e jewe, tlala e fokotsege mo Botswana.
Posted on: Mon, 10 Jun 2013 08:44:27 +0000

Trending Topics



Recently Viewed Topics




© 2015