Tompie, o ne a tsena sekolo mme nako nngwe morutabana a ba laela - TopicsExpress



          

Tompie, o ne a tsena sekolo mme nako nngwe morutabana a ba laela gore ba kwale di number 1-10. TOMPIE ene ke fa a kwala 123456L8910. Fa morutabana a leka go mmolella gore 7 ga a kwalwe ka tsela eo, Tompie a emelela mo a neng a ntse teng a ya go rapama mo floor, a bo a botsa morutabana gore ke ene mang. teacher a re, “Ke wena Tompie.” Ke fa a tsholetsa matsogo a re: “Ke nna mang?” Teacher: “Ke wena Tompie.” Tompie: “Wa bona akere, fa ke robetse ke Tompie le fa ke eme ka dinao ke Tompie, go raya gore seven ke seven le fa a robetse!”
Posted on: Sun, 08 Sep 2013 07:34:41 +0000

Trending Topics



Recently Viewed Topics




© 2015